Monday, 15 October 2012

BABOKI LE KAE?

Tlhowang ditsebe mme le rate mafoko a mmoki
Ke itshwaretse fela gole gonnye ke raya setoki
Letswaana fela la poko ga ke a abelwa ke wa nta motlhoki
Ga me ga go a tlala le yone komoki

Bagologolo ba buile bare "botlhale ba phala bo bonwa phalaneng"
Nte ke tsatsanke letle le utlwe tswina e e boreledi ya mmoki!
Ke gakgamaditswe ke moagisane wame maabane.... e rile kere ka mmoka a ntsh

ela ka metsi a seruba.
Ba buile bare poko e setlhogo, poko e kotsi.. inaaaaa!

Ke swabile nko go feta lemina fa kele jaana
Baboki le kae tlheng?
Baboki le latlhegetswe ke monate wa poka...
Ijo nna jaanong ke innetse.. se nkganang se nthola morwalo!
A tota le santse le phela?
Basha le lebetse ka go tshameka tshameka ka loleme la bommalona!
Basha le latlhile pua ya bommalona!
Basha le sentse puo!

Go diragatseng ka poko?
Go diragetseng ka poko?
kare go diragetseng ka poko tlheng?
Inaaaaaaaa! Ke utlwa pelo yame e kibakiba!
Pipipipipipipipipi.....

Ga go bokiwe go a sengwa, ga go bokiwe go a sasankwa.
Maabane ke lekile goba ruta ka poko,
Ijoo kare ka bona ba ntlhanogela ba leba molema.

Nna ke santse ke tlile go rera, otla intshwarela fake go kgopisitse
Hai nte ke iketle kana le nna ke loleme lo borethe.
keyeeee keyeeeee keyeeeeeee keyeeeeee
Thathathatha....... Ga!

BABOKI LE KAE?

By: Kabelo Kabikabi Tabane
Date: 15 Oct 2012
Time: 02:56

No comments:

Post a Comment