Tuesday, 18 September 2012

Utlwa ka bolwetse ba AIDS!

Ke utlwile ka bomma-maaka kwa ntle
Ke utlwile kgogo e biletsa batho pitsong
Nna botshelo ba me bo bolelo
bo ntima menate ya lefatshe.

Ditsala tsa me; go ntse tlhe!
go lekane; Nyaa! fano gase botshelo ke loso
Botlhogoethata ga bona mosola
Ke ganne go reetsa batsadi bame
Ke ganne go dirisa mosomelwana (condom) tlhe tsala!

Botshelo jwa me botshwere ke nnelete
Ke bona lefifi fa pele ga me
Mmele wame o fisa jaaka molelo
go lela ga go kitla go nthusa ka sepe;
Maikotlhao ke namane ya morago

Ntlhomogeleng pelo tlheng!
Kana go loba ga go thuse
Bua o tla thuswa ke mang fa o rile tuuu!
Fa o didimetse otla swa ole esi.

Ijoo! nna molatlhegi wa batho!
Ijoo! nna sekaka!
Salang sentle tlheng ditsala
Bolwetse ke joo ba AIDS
bo mphamotse jaaka phefo
Utlwa! motho-weetsho bo a bolaya!
Ijooo! go fedile ka nna; salang.

No comments:

Post a Comment